Arabelang Puso ka bofefo

Lekalana le le itebagantseng le go tlhotlha kanamiso mafoko kwa Ofising ya ga Tautona, le tsweletse ka go dira maiteko a go netefatsa fa banaleseabe mo metsweding ya dikgang, ba amogela dikarabo tsa dipotso tsa bo ne ka nako.

Go ntse go tlwaelesegile mo dingwageng di se kae, di ka nna tlhano, tse di fetileng gore, baanamisa mafoko ba maphata a puso ba diega go araba dipotso ka mekwalo e e romelwang kwa maphateng a bone. Go ne ga umakega mo tsamaong ya nako gore, makwalodikgang a a ikemetseng ka nosi, a felela a kwala dikgang tse babadi bangwe baneng bare, ga di na boammaruri, kana ga di na mabaka a a tlhotlhomisitsweng sentle. Bakgadi ka bontsi, bogolosegolo ba ba direlang puso, bane ba kgwela botlhoko bobegadikgang jo bo ikemetseng ka nosi ka seemo se.

Bosheng, bobegadikgang jo bo ikemetseng ka nosi bone jwa ithuna dinta mme jwa leka go netefatsa fa ba romela dipotso ka botlalo ka ditlhotlhomiso tsa bone, eleng go direla gore ba arabiwe ka nako e e dumalanweng, gongwe mo dioreng tse masome a mabedi le bone. Gone ga pala, mme seemo se sa baya bobegadikga jo bo ikemetseng ka nosi ka fa mosing.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up