Asbestos e borai - Goya

Mothusa Tona wa lephata la Thuto go tswa kwa Moding, Moiseraele Goya a re go boammaruri gore matlwana a borutelo a a agilweng ka Asbestos, a ka baka malwetse a makgwafo a a farologonaneng jaaka kankere ya makgwafo le kgotlholo e tona (TB).

Goya a re, go na le dikago tse pedi tsa mofuta wa Asbestos kwa sekoleng se se golwane sa Motsumi, tse di dirisiwang ke basimane le basetsana e le tsa botlhapelo. A re dikago tse di agilwe ka ngwaga wa 1998, ka maikaelelo a go tsibogela mosuke wa bana mo dikagong tsa sekole seo.

Mopalamente o boleletse palamenteng beke e e fetileng gore, dikago tsa matlwana a borutelo tse di dirilweng ka Asbestos di ka baka bolwetse jwa makgwafo, ka go hema lerole la yone.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up