Mohumagadi ga a bidiwe ka leina la ga kgosi

Motse wa Molepolole o itsege ka dithole mo batho bangwe ba bileng ba o bitsa Phualorole. Go lebega dithole tse di tshwenya thata mo e leng gore basadi bangwe, ba Bakwena, ba eme ka diano go bona gore go ka dirwa eng go di tima.

Ga twe basadi ba, ba eteletswe pele ke Mohumagadi Peggy, e leng, mosadi wa ga Kgosi Kgari 111.  Go bolelwa fa basadi ba ba eletsa go lema ditlhare go kgabisa motse wa Molepolole. Mme e se seo fela; mogopolo gape e le go leka go fokotsa dithole tseo ka go di sira ka ditlhare.

Potso e ka nna gore, ka Molepolole ke motse o motona, e bile nako le nako batho koo ba lela ka lenyora, ditlhare tse, di ya go lengwa fa kae, di nosediwa ka eng. Ka maano a botshelo ga a site, ga twe mogopolo ke gore, go lengwe ditlhare tsa tlholego tse di sa tlhokeng metsi a a kalo go tlhokomelwa.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up