A tema ya ga David Bright e a bonala?

Dinako tsa setlhopha sa rona sa kgwele ya dinao sa Zebras kana Dipitse, se lbega se rumya mo maibing ke ka nako ya mokatisiwa pele wa sone Jelusic Vaselin.

Batswana ka kakaretso, balatedi le barotloetsi loe bone ba oketsega le go itshupa ka mebala ya setlhopha gona le jaaka pele. Ya re dingwaga di ntse di feta, Veselin a bona mafulo a matalana, mme ga gwetlha lekgotla la kgwele ya dinao la mono gae go thapa Major Stan Tshoswane. Fela jalo, le ene a seka a kgoba Batswana marapo, a tsweledisa go tsholetsa serodumo se Veselin a neng a se agile. Ya bo ele jaaka Dipitse dine di iphiltlhela di le kwa makgaola kgannyeng a sejana sa Aferika sa AFCON. Ya re go boeng koo, ga nna ga tlhagoga dikgang tse di matswakabele tse dingwe tsa tsone dineng tsa tlama go thapiwa ga bakatisi ka go farologana.

Bangwe ba bone ya nna Peter James Butler yo bale bantsi baneng ba mo kgala ba re ke setlabosheng mo mererong ya kgwele ya dinao. Bangwe ba ne ba dumela thata gore ke moptho yo o ka thusang go aga Diptse go tswa kwa moding, ka go fa batshameki ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga masome a mabedi tshono ya go gola le setlhopha sa Zebras. O lekile fa a kgonneng teng le fa gone tma e ne e bonala gore o oleka go aga basimanyana ba ba kwa tlase ka dingwaga. Go is go e gope, le ene fela jaaka ba bangwe, a ipatlela mafulo a matalana kwa Aferika Borwa.  Oris Radipotsane le ene a leka go goga jokwe mme ya pala, mme ga thapiwa jalo Major David Bright, yo gompieno go lebegang a santse a dira se go tweng tlhogo ya monna matsatsa. Mo metshamekong ya gagwe yotlhe fa a sale a simolola tiro, o latlhegwetswe mo metshamekong ele mmalwa go fitlhelela bnosheng fa anen a fenya Ethopia ka dino tse pedi go lefela, s ele ka malarsi a ipelelo boipuso jwa rona. Ka go rialo, potso ke gore, a ruri Major Bright o sega tema kana o tla dira fela jaaka bakatisi ba ba fetileng ba Batswana, kana o tla tlhaela mo tseleng?

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up