Segwetshana se gata bohutsana

Batswana ba dumela gore, loso ke selo se se maswe thata mo e leng gore, fa lo diragetse, go tshwanetse ga dirwa sengwe go lebatsa ba ba setseng, bohutsana jwa yo o ba tlogetseng. Tsela nngwe ya go dira jalo, ke go jesa bana segwetshana.

Potso e tlaa nna gore, segwetshana se ke eng. Segwetshana se, ke bogobe jo bo tsentsweng ditlhatshana (melemo) dingwe tsa Setswana

Bogobe jo, bo a apewa, bo butswe, le fa gone bo sa wele sentle. Fa bo se na go butswa, go bidiwe bana ba tle go ja. Ga e re go jewa, go tsholwe; go jelwa fela mo potwaneng e e neng e apeile. Bana ba ja ka go tlhomagana ga bone. Go ja yo motona pele mme a latelwe ke ba bannye, (bomonnawe) le bone ba ntse ba tla ka go tlhatlologana ga bone. Fa go na le wa mosimane, ene le fa a le monnye mo go ba basetsana, o ja pele. Ka ke monna, ga twe ke ene rraabo, o tshwanetse go ja pele ga basadi le bomonnawe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up