Bo�sugar mommy� ke bao

SENEPE: EXPOSEDAFRICA.COM
SENEPE: EXPOSEDAFRICA.COM

E setse ele selo modiro gore banana ba basimane ba ratane le basadi ba ba tona thata mo go bone ka dingwaga, eleng basadi ba ba itsegeng ka maina a bo “Sugar Mommy’ mme marato a teng a feletse a sa tlhole ale sukiri mme a nne botlhoko jwa letswai.

Naledi e sekaseka ditiragalo tsa marato a, mme e lemogile fa bontsi jwa one a na le sebe mo dikgotlhang tsa malwapa, tota le a banyalani. Bo sugar mommy ba, bontsi ya bo ele ba ba nyetsweng mme gongwe banna ba bone ba ilwe lejwa kana ba le bokgwela, fa bangwe ba tlhokafaletswe ke banna. Bangwe yaabo ele ba gongwe ba fetilweng ke nyalo mme ba ikanye go tsikitliwa ke basimanyana mme ba ba oke ka dimonate jaaka madi, diaaparo le dikoloi.

Bosheng go nnile le dipolaano tse dineng di ama bo sugar mommy jaaka ba itsege. Mosimane a bolae mma sukiri mme morago a ipolae. Se e le ka ntlha ya go fela ga lorato le mosimane a ntseng a le akola. Mma sukiri ka fa go le lengwe, o akola monana ka molemo wa botshelo fela mme ere a mo akantse, a tlhakanye tlhogo.  Le fa marato a gantsi a bonala a le monate mo go boo babedi, bontsi jwa one a felela ka kutlobotlhoko mme mosimane a fetoga mmolai. Mo mekgwatlheng mabapi le kgang e, Naledi e botsa Batswana bangwe gore tota se se rotloetsang marato a mothale o, ke eng. Bangwe ba ile ba bolela gore marato a, ke a nakwana le gore ga go ope yo o ka le tsayang tsiya gotlhelele, go akaretsa le bone ba ba mo go one tota. Ba re fela mosimanyana ene o a bo a gabile jela mo mpeng le go eletsa go dirisa tsa mosadimogolo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up