Kgosi Kebinatshwene o tla apeswa nkwe

No Image

E tlaare kgwedi ya Lwetse e rogwa, malatsi a tlhola bobedi, Bahurutshe Boo-Manyane kwa motseng wa Manyana, ba keteke moletlo wa kapeso ya Kgosi ya bone, Kgosi Kebinatshwene Mosielele, letlalo la nkwe.

Mo puisanyong le Monnasetilo wa komiti e e rulaganyetsang tiro e, Kgosi Robert Mangope, o boletse fa mokete o tla tshwarelwa kwa kgotlengkgolo ya gooManyana.

Kgosi Mangope, yo gape eleng mothusa kgosi, o boletse fa dithulaganyo di tsweletse sentle mme ebile ba setse ba kgonne go bona letlalo la nkwe. A re ntswa ditsamaiso di fetogile mabapi le letsomo la sika loo katse, ba kgonne go bona letlalo la nkwe go tswa kwa Hukuntsi fa la tau lone, ba le bone go tswa kwa Gaborone. “Ka segarona, re apesa kgosi ya rona letlalo la nkwe mme bo rangwanaagwe ba mo alele letlalo la tau, se ele sekao sa go re kgosi, o gonka fela a sa boife sepe e ebile a ka gatlhamela tse di masisi, ka jalo ka mokete o, atla alelwa letlalo la tau ka fa tlase ga setilo sa dikgole mme apeswe la nkwe,” go tlhalosa jalo Kgosi Mangope.  Kgosi Mangope o bile a tlhalosa mabaka a gore ke eng Kgosi Kebinatshwene a ne a seka a apeswa letlalo la nkwe. A re ka nako ya fa a bewa kgosi, rre rraagwe o ne a santse a tshela, ka jalo ngwao ya bone e sa letle gore Kebinatshwene a apeswe letlalo rraagwe a santse a tshela.  Ditso di tlhalosa fa medi ya Bahurutshe, fela jaaka merafe e mentsi e e mo Botswana, e tlholega kwa Aferika Borwa mme e bile ele ba bina Tshwene. Merafe mengwe ya Bahurutshe e bonwa mo kgaolong ya Bokone Bophirima jwa Aferika Borwa.  Kgaolo e ya Bahurutshe, ke nngwe ya tse dineng di wela ka fa tlase ga mmuso wa pele wa ga Tautona Lucas Mangope, yo jaanong eleng Kgosi Lucas Mangope. Dithulaganyo tsa peo ya ga Kgosi Kebinatshwene di supa fa Kgosi Lucas Mangope a tla nna mongwe wa dibui tsa tlotla, le Kgosi Victor Supeng go tswa Aferika Borwa.  A re, ke bone borangwaneagwe Kgosi Kebinatshwene. “Mo gae re laleditse letebele le le tona, Kgosi Mosadi Seboko go tswa kwa Ramotswa ga mmogo le Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae Slumber Tsogwane.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up