Re galaletsa Bahurutshe boo-Manyane

Motswana o buile a re Ngwao boswa, mafoko a gagwe a bo a sa wela fa fatshe, mme seo se itshupa jalo jaaka merafe ka go farologana mo Botswana e tsweletse ka go epolola ditso tsa yone.

Bosheng jaana, re bone jalo morafe wa MaXhoza kwa motseng wa Bikwe o ne o ipelela ngwao ya one, jaaka gone go tlhomiwa kgosi ya motse oo, eleng Nkosiyabo Mngqibisa. Morafe oo, o o tlholegang kwa Aferika Borwa kwa kgaolong ya Kapa Botlhaba, o thibeletse kwa kgaolong ya Manyana dingwaga tsa maloba ka 1904.

Jaaka ele tlwaelo, ke tshwanelo gore morafe o o thibeletseng golo gongwe o sale ditso le dingwao tsa morafe oo, jaaka wa Bahururtshe.  E re gontse jalo,  Kgosi Kebinatshwene Mosielele a patilwe ke mothusi wa gagwe Kgosi Robert Mangope, bane ba ipela le morafe oo wa MaXhosa, mme jaanong, ditsela tsotlhe ditlaabo di lebile kwa Manyana kwa Kgosi Kebinatshwene a tlaabong a apeswa letlalo la nkwe. Ke ngwao ya Setswana gore kgosi fa e bewa kana e tlhongwa, e apeswe letlalo la nkwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up