Leo ga re ka ke ra le tlodisa matlho

Re itse gore Motswana o rile, kgetsi ya tsie ke go tshwaraganelwa; a boa gape a re, wa e esi, ga o ele. Jalo he, e rile go bona e ka se ka ya kgona go rwala morwalo wa go tlhabolola lefatshe e le nosi, puso ya tlhoma makgotlana mangwe gore a tle a e thuse ditiro dingwe.

Mangwe a makgotlana a ke a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (village development committees). Motse mongwe le mongwe o na le lekgotlana le, e le lone matlho le diatla tsa puso foo.

Makgotlana a, a lebaleba tse di tlhokwang mo motseng oo, e le tse di ka tlhabololang motse. E re fa go ka bonwa  sengwe, lekgotla le nne fa fatshe, le loge maano a gore go ka dirwa jang ka seo, mme e re fa go kgonegang teng, tiro  e tswelele, ka tsela nngwe motse o tlhabololwe. Makgotlana a, gantsi a itsiwe ka go aga matlo mme a hirisetse ba ba tlaa bong ba tlhoka boroko, e ka nna badirela puso, kana batho bangwe fela.  Lekgotla le bone madi mme ka one le tswelele  le dire ditiro tse dingwe. Nako nngwe, le fa madi a le teng, ka ditiro di dintsi, go bo go ka nna ga tlhaela mme gore komiti e boe e nne fatshe gape, e bone gore fa go tlhaelang teng,  go ka thijwa jang. Go utlwala gore, kwa Hatsalatladi, mo kgaolong ya Kweneng, e rile e bona e kete tsela e tlaa nna thata,  VDC ya tla ka mogopolo wa go dira/foroma ditena gore e tle e di rekise, e dire madi. Ga twe komiti e simolotse tiro e ya go dira ditena ka ngwaga wa 2014. Go bolelwa fa mo nakong eno tiro e dirwa  ka lenaneo la Ipelelgeng, e bile e le yone tiro e tona ya Ipelegeng mo Hatsalatladi. Potso e ka nna gore, ga tla jang gore komiti e tle ka mogopolo wa go dira ditena?

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up