Mme Gaotime Pilane o re tlogetse

Gaotime Kebao Pilane
Gaotime Kebao Pilane

Mongwe wa bagolo ba Naledi e kileng ya kwala ka botshelo jwa bone, ke Mme Gaotime Kebao Pilane, yo gape a neng a bidiwa Mma Motswana. Gompieno Naledi e re lekodisa fa Mme Pilane a re tlogetse, e bo e re tlanyetsa gape ka botshelo jwa gagwe.

Mma Motswana, yo mokwadi yono a neng a mmitsa nkuku, mme ene (moswi) a rata go bitsa mokwadi yo, mmangwane kana ngwana wa ga mmangwane, ka gone go ne go ntse jalo, o tlhokafetse Phukwi e le lesome le boraro (July 13 2017) mme a bolokwa e le masome mabedi le bobedi (July 22) kwa Molepolole. Nkuku o tlhokafala jaana morago ga go lwala ka lobakanyana. Tota ka dingwaga di setse di kgabagantse, mmele le one o setse o lapile, o ne a ntse a tsamaya ka bokoa.

Go bolelwa fa nkuku a tshotswe  ka 1915, motse o sale ka kwa Ntsweng. Fa a tlhokafala, o ne a setse a digetse dingwaga tse di lekgolo le bobedi (102).

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up