Lebele le godisa losea sentle

No Image

THAMAGA: Go amusa ngwana ka lebele go ka mo sireletsa go amiwa ke malwetse a a farologanyeng a tshwana le a letshololo, le malwetsi a majakapolaelo le a tsholo e e seng ka nako.

Tlhaloso e e dirilwe ke Tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Dorcas Makgato kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la kamuso ka lebele, kwa Thamaga ka mafelo a beke e re tswang mo go yone.

Makgato o amogane le batsena segopotso gore, lekgotla la Mafatshefatshe la Botsogo (WHO) le akanyetsa gore masea a ka nna sedikadike (P1.5 million) lefatshe ka bophara, ba a tlhokafala ngwaga le ngwaga, ka go bo ba sa amusiwe. A re go amusa, ntle le dikotla tsa gone tse di siametseng losea, go thusa gape go busetsa popelo ya mme mo maemong a yone, go dira jalo ele go fokotsa go dutla madi ga ga mme. O tsweletse a re go amusa go thusa gape go fema go kokonelwa ga mme le rre mo lelwapeng ke itsholelo ka go reka mashi a sebagabiki kana thini, gangwe le gape.  E ntse ele kwa moletlong oo, Tona Makgato yo gape eleng Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami o boletse fa lephata la gagwe le tsweletse ka go rutuntsha bodiredi jwa botsogo ka kamusu ya lebele.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up