A re tlhafuneng rotlhe

Re dumela gore, mo phuthegong ya kgotla, baeng ba tshwanetse go fiwa tlotla e e lebanyeng, jaaka go ba fa bonno jo bo faphegileng.

Bonno jwa bone bo tshwanetse jwa kgabisiwa sentle ka dithunya le tse dingwe fela jalo. Gape, se se botlhokwa ke go beela sebui sa tlotla, kana ba ba mo patileng, metsinyana go kolobetsa dikgokgotso, ka gongwe ba a bo ba nyorilwe go tsweng mosepele o ba o tsamaileng.

A e re phuthego e ntse e tsweletse, re lemoge gore batho ba re ba laleditseng go tla pitsong, e leng morafe, le bone ba tlaa bo ba tla ba nyoretswe melaetsa mme bangwe ba tle ba sa fitlhola, le fa e le one metsinyana a a bothito tota, ba sa a goduma.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up