Kgwele ya kgarakgatshiwa kwa Kgatleng

Mogomotsi
Mogomotsi

Diliki go ralala lefatshe la Botswana di ile bokhutlong, mme kwa Kgatleng gone ntwa e santse e le e e matlhomahibidu ka go lebega dikgang dingwe di santse di tletse ka pitsa di gana go butswa ka boeteledipele bo sa tswe ka tharabololo.

Fa ditlhopha di le mo phuthegong ya lekgotla le le tsamaisang merero ya kgwele ya dinao ko Kgatleng bosheng, bagolwane ba ditlhopha ba ne ba ngongorega ka fa komiti e e eteletsweng ke Clifford Mogomotsi e dirang dilo ka teng. Tota selelo segolo e le go tlhoka therisano fela e e bonalang, ba afa sekai ka phuthego e e neng ya tlosolosiwa ka ditlhopha di ne di sa bolelelwa nako e santse e le teng.

Kgang e nngwe e e mo tafoleng le ntswa tota e sa rarabologwe, ke e ditlhopha di ngongoregang ka se ba reng ke sa dirisiweng sentle ga madi, ba re kgang e bone e le bagolwane ba ditlhopha e a ba tshwenya, ka gangwe le gape fa pego ya madi e tshwanetswe go dirwa, ga e tlhaloganyesege gotlhelele.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up