Maburu a kile a tlhasela � KGAOLO 3

Dikantoro tsa lekgotla la batshabi mono Botswana tse di neng tsa tlhaselwa ke maburu.
Dikantoro tsa lekgotla la batshabi mono Botswana tse di neng tsa tlhaselwa ke maburu.

Beke e e fetlieng, re ne ra khutlisa polelo ya rona ka go tlhalosa ka fa bangwe ba Batswana le batshabi bangwe ba neng ba bolawa ka teng ke maburu a masole a Aferika Borwa.

Morago ga matlhotlha pelo ao, lefatshe ka bophara le ne la gakgamadiwa ke go nna moriti o tsididi le go iphitlheng ka monwana ga boeteledipele jwa lefatshe la Aferika Borwa.

Wa ntlha go kgabola lebadi la ba masika le ditsala tsa baswi, e ne ya nna tona ya mafatshe a sele ka nako eo, Pik Botha, yo aneng a re, “Masole a rona a ne a sena ka fa a ka dirang ka teng fa e se go sireletsa Aferika Borwa le batho ba yone kgatlhanong le matshosetsi a a golelang pele a ditlhaselo tsa batshabi, ba ba dirang ditlhaselo bale ko Botswana,” mafoko a, a ga Botha, a gatisitswe mo pampiring ya dikgang ya The Star ka Seetebosigo a le lesome le bone ka ngwaga wa 1985.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up