Batlhophi ba Oodi/Matebele ba leboga Mangwa

DINEPE: TEICHLER RANKOA
DINEPE: TEICHLER RANKOA

Bontsi jwa batlhophi le baagi ba dikgaolo ka farologana ga tsone, bo na le go tlhopha motho ba emela mo khanseleng kgotsa kwa palamenteng, mme e re morago ba lele thata ba re ga a bereke le bone sentle.

Fa gongwe tota ba re ba ikotlhaela go se nang mosola ope ga gagwe mo go bone. Mme se, ga se se se dirafetseng ka mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Oodi/Matebele, Rre Kelekwang Mangwa. Ene, morago ga dingwaga di le lesome le botlhano a ntse a le mokhanselara, baagi ba kgaolo ba ne ba mo leboga go menagane.

Mangwa, yo o sa tlholeng e le mokhanselara, o setse fela ka go rumaruma ka boitumelo morago ga go bona morafe wa Oodi/Matebele o lebogela ka fa a neng a dirisanya le bone ka teng, dingwaga tsotlhe tse a neng a romilwe kwa khanseleng ya Kgatleng. Batlhophi ba kgaolwana e ba re ba ne ba bona go le botlhokwa thata go ema ka dinao go leboga senatla se sa monna se ba reng se ne sa itshupa gore ke morongwa yo o boikanyego le boikobo mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up