Mpote o kwala ditso e le Motswana

No Image

Barati le balatedi ba motshameko wa kgwele ya dinao, bogolo jang ba liki e kgolwane ya BTC, ba setse ba tlwaetse gore ngwaga le ngwaga, liki e tshwanetse go fenngwa ke setlhopha se se katisiwang ke motswakwa.

Se jaanong go lebega monongwaga se padile ka mokatisi wa Motswana, Mogomotsi Teenage Mpote, a thusitse setlhopha sa gagwe sa Township Rollers go gapa bosimega jwa liki.

Mpote o fenya liki jaana morago ga go tsaya setlhopha mo mokatising wa monna wa motswakwa wa kwa Ennyelane, Mark Harrison, yo o neng a tlogela setlhopha sa Rollers liki ya monongwaga e ntse e tsweletse, a tabogetse mafulo a matalana kwa Aferika Borwa.E rile fa botsamaisi jwa Mapalastina bo bolela fa bo neela mokatisi Mpote marapo a go kgweetsa sekepe sa Mapalastina go ya pele le liki ya BTC, bangwe ba ba neng ba sa dumele mo go ene gotlhelele, ba simolola go dumaduma, ba ngongorega. Ba re, Mpote ga a ka ke a kgona go isa setlhopha sa bone gope fela kwa go botoka, fa e se fela go tloga ba lelediwa moretlwa o o botlhoko  ke ditlhopha tse dingwe, motshameko mongwe le mongwe.Mabaka a bangwe ba ba neng ba sa amogele khiro ya ga Mpote e ne e le gore ga go na jaaka a ka kgona ditlhopha tse di katisiwang ke bakatisi ba batswakwa, jaaka Mike Dubula Dubula Sithole, le Madinda Ndlovu, ba go dumelwang gore ba na le bokgoni le maitemogelo a a kwa godimo a go gaisa bakatisi ba tshwana le boMpote.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up