Dijwalo ga di fatlhoge

Re sa ntse re tlaa gakologelwa gore, e rile ngwaga o o fetileng o tsamaela go fela, go tla go tsena ngwaga ono o simologa, ra newa ke pula e ntsi thata, e re neng re sa e solofela.

E ne ya re go bona pula e le ntsi jalo, ra solofela gore balemi ba tlaa dika ba lemile mme ba fole; ke gore, ba bone thobo e ntsi thata. Fela go lebega go tlaa se ke go nne jalo, ka gore, le fa e ne e le ntsi jaana, ka ntlha e nngwe, pula e, e ne ya kgoreletsa balemi thata.

Sengwe sa dilo tse di neng tsa direga ke gore, pula e, e ne ya nna ntsi thata mo e leng gore, batho bangwe ba ne ba se ka ba kgona go lema, ka masimo a bone a ne a fetoga megobe le dinoka, a tlala metsi thata.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up