Agelelang masimo thata � Kgosi Ndaba

No Image

MATEBELE: Balemi botlhe ba ba lemang merogo gaufi le noka ya Notwane ba kopilwe go agelela masimo a bone thata go itsa loruo lwa Bakgatla lo lo fulang foo, le go nwa mo nokeng, go ba senyetsa.

Morago ga selelo sa barui ka ntlha ya go sokodisiwa ke balemi ba ka go ba otlhaela melato ya tshenyo ya loruo lwa bone kgapetsakgapetsa, Naledi e ne ya tabogela kwa motseng wa Matebele go buisanya le kgosi ya motse oo, Kgosi Behuel Ndaba, go utlwa gore kgang e ntse jang.

Kgosi Ndaba o boletse fa a setse a kile a bitsa balemi ba, ba merogo mo nokeng ya Notwane, mme a ba kopa gore ba leke bojotlhe go agelela masimo a bone ka a le mo mafudisong a barui, bogolo jang ba motse wa Matebele, Kgalapitse le Oodi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up