Monna o ipolaetse motlogolo

No Image

PALAPYE: Mapodisi a Serowe, a tlhotlhomisa tiragalo e ba fitlhetseng monna wa dingwaga tse masome a mararo (30), a ikaleditse kwa kgotlaneng ya Masilo, gone kwa Serowe.

Mo potsolotsong le Naledi, mothusa Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Assistant Superintendent Makgotla Keitshweditse o tlhalositse fa bane ba amogela pego go tswa kwa go ba lelwapa kana losika lwa rre yoo, ba bolela fa moswi a ne a kile a ba leletsa, mme a ba bolela fa a thudile motlogolo wa gagwe ka koloi mme a tlhokafetse.

Rre Keitshweditse o tsweletse a bolela fa bane ba patiwa ke ba lelwapa go ya kwa tiragalong eo, kwa ba fitlhetseng maloba ele maabane, ele gore rre yo aneng a leditse, a setse a ipolaile ka go ikgwagetsa ka lethombo, gaufi le teraka ya Toyota Diana e gotweng one a e kgweetsa.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up