A go utlwale gore go tlhalosa mang

E rile go tswa ngwaga o o fetileng o lebile go wela, go tla go tsena ono o simologa, ra newa ke pula e ntsi thata. Ka re ne re sale re e nyoretswe, ra itumela thata, ra solofela gore Batswana ba tlaa dika ba lemile, mme ba robe. Ra dumela gape gore, loruo le lone lo tlaa dika lo tshedile ka bojang le metsi di tlaa bo di le teng.

Kwa ntle ga malwetse mangwe a a utlwalelwang fale e fale, go lebega loruo lo tsogile sentle. Mme fa e le dijwalo tsone, nnyaa, ga di a tsoga. Ga re ise re utlwe ba Temo thuo gore bone ba bona jang mme ka fa re bonang ka teng, kwa masimo, ngwaga ono ga o ke o nne one sentle. Go lebega thobo e re neng re e solofetse ele, e tlaa se ke e nne teng. Kgwedi  ele, go kile ga utlwala fa masimo mangwe a tlhasetswe ke seboko sa segopa (army worm). Ga twe seboko se, se ja lotlhaka lwa mmidi mme se o bolaye go swela ruri. Go  belaetse gore, a mme thobo e re neng re e solofetse ele, e tlaa nna yone. Re se ke re dumele fa e tlaa nna teng.

Godimo ga moo, fa re ntse re tsamaya le naga, re bona masimo a ntse masweu, dijwalo di shele. E nne tiragalo e e hakgamatsang ka jaana nako e, masimo a a bo a eme sentle, a le matala, e seng a le masetlha jaaka re bona. E re mariga a le fa gare, serame se setse se le bogale, ke gone dijwalo di she, mme tota di oma gore go tle go rojwe. Gompieno nnyaa, ke go sele, e seng ga gale.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up