Ke tla tlhwaafalela Naledi, salang sentle!

Ga ke a tshwara gore kgwedi e ne e le malatsi a le kae. Fela letsatsi e ne e le Mosupologo, kgwedi ya Ferikgong monongwaga, nako e le ya borobabobedi mo mosong, fa ke tsena ka diofisi tsa Mmegi, tse di fa morago ga kereke ya Trinity Congregational Church.

Ke ne ka laelwa ke modisa dikago go palama mochini (lift) o o pegang batho go tlhatlogela kwa godimo. Mme mo matlhatlaganyaneng ao, kwa go a boraro, ka kopana le batho ba bantsi. Bangwe ba ne ba tsena, bangwe ba tswa, bangwe go lebega e le badiri ba Mmegi, kana babega dikgang, ka ke ne ke bona ba tshotse dibukana le megala ya letheka e megolwane (Tab). Ka amogelwa ke mme mongwe fa go arabelwang megala teng, mme fa a impolelela, a re ke ene Nango.

Ditlotlo tsa nna teng, a ntira gore ke amogelesege. Go ise go e gope, rre mongwe a tla go nkopantsha gone foo, a inkitsise, a re ke ene Zolani Kraai. Ka tebo ya matlho, o ne a lebega e le motho yo o sudileng sefatlhego, e bile a le bogalenyana, mme letsatsi leo, a nkamogela ka menyenyo. A mpontsha fa ke tlaa berekelang teng, a bo a nkitsise le badiri ka ene.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up