Bakgweetsi ba dubaka Paseka

No Image

Baokamela mapodise mo dikgaolong ka go farologana go ralala lefatshe leno, ba re le fa ditiragalo tsa borukhutlhi di wetse tlase ka malatsi a Paseka monongwaga, boitshwaro jwa bakgweetsi bangwe bo santse bo sa jese diwelang.

Mookamela mapodise a Gaborone Central, Superintendent Vincent Pitseetsile o boleletse Lokwalodikgang la Naledi gore ntswa mo malatsing a paseka a ne a sena ditiragalo tse ntsi tsa borukhutlhi, ba amogetse dipego tse di mmalwa tsa bakgweetsi ba ba sa babaleleng matshelo a bone le a bakgweetsi ba bangwe.

Pitseetsile a re mo kgaolong ya gagwe, ba nnile le dikotsi tse dipotlana di le thatharo, tse mo go tsone go senang ope yo o golafetseng. A re ba kwadisitse dikotsi dile masome matlhano le borobabongwe (59). Mo go tsone, bakgweetsi ba le bararo (3) ba lebisitswe molato wa go kgweetsa ba itontetse bojalwa, mme badira molato bao, ba tla isiwa kwa lekgotleng la ga makaseterata go arabela melato ya bone.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up