Maforaga a re bana ba otlhaiwe mo go lekanetseng

Bangwe ba baithuti ba lefatshe leno ba bangwe ba bone ba otlhaiwang setlhogo
Bangwe ba baithuti ba lefatshe leno ba bangwe ba bone ba otlhaiwang setlhogo

PALAPYE: Kgosi Michael Maforaga o kopile barutabana go ela tlhoko gore ba dirisa thupa jang fa ba otlhaya bana ba dikole. Kgosi Maforaga, yo e leng mothusa kgosi kwa Palapye, o gakolotse jaana, morago ga gore, moithuti mongwe wa mophato wa lokwalo lwa boraro kwa Serorome, gone kwa Palapye, a tlhokafale bosheng, go twe o biditswe ka thupa mo tlhogong.

Maforaga o ne a bua kwa phuthegong e e neng e biditswe ke ba lephata la thuto bosheng. Phuthego e, e ne e batla megopolo mo setshabeng gore, ke go dirwe jang go tokafatsa maduo a baithuti, a bontsi jwa Batswana, bogolo jang batsadi le puso, ba bonyeng a sa itumedise fa a tshwantshanngwa le a ngogola.

Kgosi a re, malatsi ano, thupa mo baithuting, e tsaya phekelo e sele, e bile e gomagometsa go tshabisa bana sekole. A re seemo se, se ka felela se koafatsa maduo a dikolo. O boletse gape gore, le fa bogologolo thupa e ne e dirisiwa go otlhaya baithuti, barutabana ba ne ba ela tlhoko dikarolo tse moithuti a ka itewang mo go tsone. A re go dira jalo go ne go tsewa e le tsamaiso ya go  tsenya bana mo tseleng, e seng go ba otlhaya.  Maforaga a re, le one molao wa lefatshe leno, ga o letle gore baithuti ba otlhaiwe ka bokete jo barutabana bangwe ba itayang bana ka teng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up