Batlokwa ba shenne meno

No Image

E rile go tla pitsong kwa kgotleng kgolo ya bone, morafe wa ga Kgosi Puso Gaborone wa reetsa ka tsoo pedi, le ka tlhwaafalo, go itseela molaetsa wa letsatsi leo. Ya re go dupeleleng kwa kgang e yang teng, Batlokwa ba gana nnyaa, ya banyana.

E ne e le ka Labone wa beke e e fetileng fa Batlokwa ba le supa le le fa gore ga ba kitla ba letlelela ditlhabololo dipe go diragala mo motseng wa bone, selelo sa bone sa lefatshe se ise se arabiwe.

Se se tla jaana morago ga gore kwa phuthegong eo, Mookamedi wa kompone ya Environmental Solve Consultancy, Rre Gaogakwe Ikgopoleng, a bolele fa Lekgotla la Kabo Ditsha la Tlokweng le ba thapile go sekaseka tikologo le tiriso ya lefatshe le go akanyediwang go atolosetsa mmolo wa marekisetso a a farologanyeng mo go lone. 

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up