Baikopedi ba babalelwa ke go tlhoka metsi

SENEPE: ZOLANI KRAAI
SENEPE: ZOLANI KRAAI

Mothusa tona wa Lephata la Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso-puso le Bodirelapuso, Thato Kwerepe, a re ntswa puso e tsweletse e thusa baikopedi ka dipodi ka fa tlase ga lenaneo la Nyeletso Lehuma, sekgoreletsi e sa ntse e le go tlhoka metsi.

Kwerepe o ne a araba potso kwa Palamenteng bosheng, a bolela fa batho ba le lekgolo, masome a matlhano le bongwe (151), kwa kgaolong potlana ya Tutume, ba sa ntse ba letile go thusiwa ka dihutshane. Kwerepe o ne a araba potso e ne e tla ka Mopalamente wa Nata-Gweta, Paulson Majaga. 

Majaga o ne a boditse Tona Eric Molale, a arabelwa ke mothusi wa gagwe Rre Kwerepe, gore a o itse fa baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma, ba ba neng ba abetswe dipodi le dikgomo, ba se na kwa ba nosang teng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up