Go tshwara mala ka mabedi

E rile maloba ra bua ka go bofa mala ka tukwi. Mmualebe o ne a botsa gore, a fa motho a nna a tshogile, ga twe o nna a bofile mala ka tukwi? E ne ya re go simolola kgang ya rona, ra bua ka diphuthego tse mapalamente a tleng a di tshware mo dikgaolong tsa bone tsa botlhophi.

Re ne ra re, ka Botswana o namile, dikgaolo di dintsi, mapalamente a a tle a tswe a lebe mafelo a a farologanyeng, go ya go tshwara diphuthego tse. Ra ntsha sekai ra re, e ka re fa mopalamente mongwe a leba bokone, yo mongwe a leba borwa, mme gongwe yo mongwe, kgotsa bangwe bone ba leba ntlha e nngwe ya lefatshe.

Re ne ra tlhalosa gore diphuthego tse, e a bo e le go ya go lekodisa morafe (setshaba) ka tse di dirilweng kwa palamenteng jaaka melao e mesha, diphetogo dingwe tsa melao, le tse dingwe fela tse mopalamente, ka nako eo, a bonang di ka itsisiwe batho. Go sale foo, re ne ra re, diphuthego tse gape e a bo e le nako ya gore morafe le one o itekodise mopalamente; o bolele tse di sa ba robatseng, tse ba eletsang di ka dirwa mo ga bone.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up