Re tlhoka batshameki ba maitemogelo � Mahaja

Batshamiki ba Sharps ba kgwa setshwe le go tsaya ditaelo mo bakatising PIC: ZOLANI KRAAI
Batshamiki ba Sharps ba kgwa setshwe le go tsaya ditaelo mo bakatising PIC: ZOLANI KRAAI

Ba ela dilo tlhoko ba merero ya kgwele ya dinao mono gae ba re, gore ditlhopha tsa liki ya ntlha ya setshaba ya Debswana di tokafatshe tshameko ya tsone, di tshwanetse tsa kwadisa batshameki ba ba tlhwatlhwa ebile ba na le maitemogelo a a kwa godimo.

Ba boletse fa go tlhoka o dira jalo go tla pateletsa ditlhopha tseo go dirisa batshameki bale bangwe gangwe le gape mme go sena kgolo e e akaretsang batshameki ba maitemogelo a liki e kgolo ya BTC.

Ditlhopha di tshwana le Mochudi Centre Chiefs, Township Rollers le Gaborone United di kile tsa fologela mo liking e ya ntlha ya setshaba, mme ka ntlha ya batshameki ba ba nang le maitemogelo ba ditlhopha tse di neng di na nabo ka nako eo, go ne ga nna motlhofo go boela mo liking e kgolwane ka bonako, le fa GU yone e ne ya nna dingwaga di feta bongwe.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up