Nkgwana Irene Segokgo Thakadu, morg, morata ngwao

Beke eno Botshelo bo ama Thakadu, motlokwa Nkuku Nkgwana Irene Segokgo mme bo mo fitlhela a kgobile kgetsi kwa ga gagwe, a akola bokgola jwa dipula tsa bosheng le botala jwa mhr le ditlhatshana tsa rothwe le thepe.

Kamogelo ke ya menyenyo, keletso metsi a pula a tswa phoisaneng mme mo puisanong le mme Segokgo, o gatelela botlhokwa jwa go tlotla ngwao e a reng fa e sa agelwe mosako e ka nyelela kana e tswe Batswana diphatlheng tsa menwana.

Nkuku o simolola ka go bolela fa ele ngwana wa ntlha wa ga Rre Tonki Pitlwane le Mme Baitshwenye Matlapeng ana le bo monnawe bale bararo. A re batsadi ba gagwe ba gorogile mo Bechuanaland go tswa kwa Aferika Borwa ka di nako tsa dintwa tsa maburu le merafe e mengwe bogologolo, mme ba iphalotsa go fitlhela ba thibelela gone mo Tlokweng. Nkuku Nkgwana a re o tsholetswe mo motseng wa Tlokweng ka ngwaga wa 1936 ebile o goletse mo go o ne kwa kgotleng ya Tshwene-Tshwene.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up