Kgalapitse e gataka Seshoboloko

Ngwaga e e fetileng ka dikgaisano tsa dikopelo tsa Sekgatla kwa Mochudi, barati le balatedi ba tsone ba ne ba bolela fa khwaere ya Kgalapitse e le bogale mo e tlaareng letsatsi lengwe khwaere nngwe e siye go e tlogela mo lebaleng.

Se mme se diragetse fela jalo ka erile ngwaga ya 2017 e goroga khwaere e tona ya Seshoboloko ya supa fa e babaletswe ke kgatlampolo ya Kgalapitse, mo e neng ya ngala maduo.

Ntwa ya dikhwaere tse pedi tse, e simologile ka malatsi a keresemose ka loeto la Kgalapitse kwa lebaleng la Seshoboloko. Pele ga di kopana mo lebaleng, dipuo di ne di le mafaratlhatlha, ka bangwe ba ne ba re Seshoboloko e tona thata mo Kgalapitse, fela bangwe bone ba re Kgalapitse e bogale go gaisa thipa ya monna a rata dinama.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up