Liki ya Debswana e lebanwe ke dikgwetlho

Letlhoko la tshireletsego ya batshimiki le batsamaisa metshameko e santse e tlhaela jaaka mo setshwantshong se. Batshamiki ga ba na fa ba nnang teng fa ba letile go fiwa tshono ya go tshameka.PIC: ZOLANI KRAAI
Letlhoko la tshireletsego ya batshimiki le batsamaisa metshameko e santse e tlhaela jaaka mo setshwantshong se. Batshamiki ga ba na fa ba nnang teng fa ba letile go fiwa tshono ya go tshameka.PIC: ZOLANI KRAAI

Liki ya ntlha ya setshaba e e rotloediwang ke kompone ya diteemane ya Debswana ke yone e e ntshang ditlhopha go tlhatlogela kwa liking e kgolwane ya BTC. Le fa go ntse jalo liki e e santse e aperwe thata ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka tlhaelo ya bokatisi le itshireletso kwa mabaleng.

Morago ga gore liki e e nne dingwaga di le mmalwa ntle le barotloetsi, tlhware e ne ya ba e latswa ka go tla ka barotloetsi ba seemo se se kwa godimo ba diteemane, ebong Debswana.

Go tla ka thuso ya madi mo ga kompone ya Debswana go ne ga tsisa botshelo jo bo botoka thata ka jaanong barati le balatedi ba liki e, le bone batsamaisi ba ditlhopha tse yone, ba ne ba hema phefo e e botoka. Liki e ke yone e e dingalo go ka tsamaisiwa, ka e fitlhelwa mo dikgaolong tse pedi, eleng borwa le bokone, sengwe se se dirang gore e tsamaisiwe ke dikomiti tse pedi tse di farologanyeng.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up