A re ikgakolole maina a dikgwedi

Ngwaga mongwe ke ole re ne ra bua ka maina a dikgwedi a Setswana, re tlhalosa gore ke eng fa dikgwedi di biditswe maina ao. Gompieno re ikgata motlhala mme ra re, ka go nna a etse dilo tlhoko, Motswana a bitsa kgwedi ya ntlha ya ngwaga a re, Hirikgong.

Potso ke gore, leina le, le raya eng?  Ga twe kgwedi e, ke kgwedi e lephoi le le bidiwang lehiri le tsalang ka yone. Go baakanyetsa go baya mae, lehiri le age sentlhaga ka dikgonyana. Motswana a bo a ntse a le lebile. A tsaya lefoko ‘lehiri,’ a le kopanya le lefoko ‘dikgong’ mme a bitsa kgwedi Hirikgong. Leina le, le ka kwalwa e le Hirikgong kgotsa Firikgong, ga tshwana fela, ga se ka ga senya sepe.

Maloba jale e ne e a re pula e se na go phaila, mmu o setse o tshwere bokgola, go lengwe. Bangwe ba ne ba tle ba itlhaganele ba leme pele, ba bangwe bone ba tswe kwa morago.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up