George Rapoo David Mautlane

Naledi: Re ipolele o simolola ka batsadi ba gago. Mautlane: Ke ngwana wa botlhano mo baneng b aba neng bale robabobedi ba ga Rre Phillip le Mme Margaret Mokgadi Mautlane ba ba tlholegang kwa South Africa. Basimane re ne rele barataro le basetsana ba le babedi. Re Batlokwa ba South Africa le Lesotho.

Naledi: Tlhalosa ka boripana ka ditso tsa Batlokwa

Mautlane: Re tlholegile kwa Lesotho rele Batlokwa ba ga Mantatisi. Yare re fitlha mo South Africa mo kgaolong tsa Pretoria Batlokwa ba ntlo e potlana tsaya bogosi mme ba ntlo e tona ba itidimalela ba seka ba ba lwantsha. Le fa go ntse jalo morafe o ne wa kgaogana. Mme Batlokwa ba batona  ba bidiwa Batlokwa ba ga Madidimale. Mme ba rapalala le noka ya Madikwe go fitlha ba tsena kwa nokeng ya Limpopo. Ba ne ba e kgabaganya mme baya go kopa bodulo kwa Gammangwato. Ba ne letlelelwa go nna le Batalaote ba Sefhophe ka paka ele ya dintwa tsa difecane merafe ya maAferika mo borwa jwa Aferika e tsogelelane. Batlokwa ba ga Madidimale ba tloga ba tshelela noka ya Limpopo ka kwa South Africa go tshaba merusu ee neng e tsositswe ke kgosi ya nako eo ya Batalaote le Matebele a ga Mzilikazi. Batlokwa bao ba fetile ba thibelela mo Petersburg kwa ke tsholetsweng ka ba ka golela teng.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up