Magosi a a ririmela

Magosi
Magosi

Setlhopha sa Mochudi Centre Chiefs se se tumileng thata ka leina la Magosi Maaparankwe, se tshwaragane le namane e tona ya mathata jaaka dikgang tse di utlwalang teng di garola pelo.

Setlhopha se, se se bidiwang Maaparankwe, go lebega leina le le fetogile mo se ka bidiwang Magosi Maaparamathata, ka gobo go se sepe se se bonolo mo go sone.

E rile liki ya ngwaga e e fetileng e ya bokhutlong, Magosi a bo a le mo maemong a bobedi. Mme ebile tota se kile sa gomagometsa go fenya bosimega jwa liki e. Maemo a a bobedi a seka a kgona go tiisa setlhopha se moko ka go ne go utlwala gore morotloetsi mogolo wa sone, Jamail Sayed, o kgaogana le sone. Fa dikgang tse di wela ka ditsebe tsa barati le balatedi, ga bolelwa gore mokatisi Mike ‘Dubuladubula’ Sithole le mothusi wa gagwe Michael ‘Lepako’ Mogaladi ba tlogela setlhopha se.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up