Re nyaditswe thata � Kgosi Beslag

No Image

Kgosi Lobatse Beslag wa New Xade a re go mo pontsheng gore jaaka ele bangwe ba merafe mo lefatsheng leno, ba itemogela go lebelwa kwa tlase le go nyenyafadiwa ke merafe mengwe ya lefatshe leno.

Beslag o bile se mo puisanong le Naledi mo bothokong jwa bokopano jwa Ntlo ya Dikgosi bosheng. Kgosi a re go lebelwa kwa tlase ga merafe e tshwana le ya Basarwa le fa ba leka go supa ngongorego ka seemo se, ba tsweletse ka sa reediwe ke boeteledipele jwa lefatshe leno mme e bile ba setse ba kgobega marapo le go feta.

Kgosi Beslag a re ke ka moo aneng a seka a itshwenya ka go akgela mo tshutisong ya mogopolo wa ga Kgosi Galeakanye Modise wa Tswapong. A re le fa a ne a akgetse gone go sena mosola. Kgosi Modise o ne a kopa gore go fetolwe molao motheo. Beslag o supa ka monwana gape magosi a merafe e go tweng e metona le mangwe matona a puso, a re ga ba bone kemonokeng ee maleba ele ba merafe e gotweng e me botlana.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up