Xwiisetee - Motlhabeletsi wa tlhwatlhwa

Xwiisetee
Xwiisetee

O na le leruo ka ntlha ya lentswe le le monate. O kile a opelela dikgosi tsa Gammangwato mme a lebogwa ka go tshwara ka diatla tsa segosi

Ka motlha mongwe batsadi bangwe ba letso la Sesarwa mo kgaolong ya Boteti, ba ne ba iketlile ka fa tlase ga moriti wa setlhare morago ga go tsoma maungo le digwere tsa naga. Bana ba bone ba ne ba tsositse modumo ba raloka jaaka diphotsana.

Ya re fa bana ba ntse ba ja mokaragana jalo, mongwe wa bone a huporolola seatla sa gagwe mme a se kotama ka bomo. Ya re fa a ntse a se kotame jalo a ntsha mowa ka marago. Gatwe bana ba bangwe ba ne ba ingata ka ditshego. Mme ba simolola go ikgatlha ka ene ba mo goelela ka Sesarwa bare, “Tshauwasii-tshauwasii…!” ba raya gore o ntsheditse  mowa mo seatleng.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up