Thusa ka koo

Motswana a re, sedibeng go iwa ka tsela. Jaanong go bula tsela ya kwa re go yang, re boela fa morago fale, ngwaga e le wa 2014. Fa re ntse re tla, re kopana le Dikgang/ Daily News e bega ka loeto longwe lo mopalamente wa Nkange a neng a lo tsaya nako nngwe go ya go lekola kgaolo ya gagwe.

Fa a tsena koo, a tshwara phuthego kwa Tutume. Fela jaaka go a tle go nne go direge fa mopalamente a etetse kgaolo, morafe wa bo o bonye sebaka sa go itela mo go ene.

Ga lela mang? Go inolwa maina a le mararo. Ga twe e ne e le dikgotla tsa Thini, Madikwe le Selolwane.Mme tsone di lela ka eng? Ga twe morafe o ne o re, o sale o ledile ka seemo sa kokelwana ya Tutume, e go kaegang e ne e onetse, e bile e le nnye, mme go sa dirwe sepe. Mongwe a bolela fa ba na le dingwaga di ka tshwara botlhano ba ntse ba ikuetse ka kokelwana e, mme go se na sepe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up