Bakaa ba tsogela mo molelong

Letsholo la loeto la molelo wa kgolagano le ntse le tsweletse sentle kwa kgaolong ya Kgatleng, ka jaana mo mosong wa gompieno molelo o goroga kwa motseng wa Bokaa, morago ga go goroga le go lala kwa motseng wa Oodi maabane.

Molelo o wa kgolagano o amogelwa ke baagi ba metse ya Kgatleng ka dipalo tse dintsi thata, mme ebile barulaganyi ba bolela fa ba itumela thata go bona Bakgatla ba supa kamano e e tseneletseng le ditiragalo tsotlhe tsa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso. Fa molelo o o goroga mo motseng wa Oodi go tswa Modipane maabane, matshwititshwiti a baagi ba Oodi, ba bob a tsogile ba rwala masigo ka tlhogo go ya go kopantsha le go amogela molelo go tswa mo baaging ba motse wa Modipane. Go ne ga bonala sentle gore morafe wa Oodi o itumetse thata ka go bona bagolo le bana ba tsamaya mosepele wa dikhilomithara di le tharo go tswa kwa ba amogetseng molelo teng go leba kwa kgotleng kgolo ya motse.

Jaaka e setse e le tlwaelo, morafe wa bo o kgabile thata ka diaparo tse di mmalwa wa folaga ya lefatshe la Botswana, o eleng one o Batswana botlhe bal eng motlotlo le go ipelafatsa ka one, difoologa tsa bo di phaphasela mo phefong. Kapari ya mmala wa fologa ya bo gape e kwadilwe palo ya masome a matlhano ya dingwaga tsa boipuso. Erile go bona matshwititshwiti a batho a raletse motse go leba kwa kgotleng kgolo, bangwe ba ba neng ba tshwere ke ditiro tsa moso, le ba ba neng ba thibeletswe ke serame mo dikobong, ba tlola magora go ya go tsenelela mosepele wa moelo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up