Mokgweetsi wa Motsumi JSS o sekela tshosetso polao

Dikoloi tsa Puso
Dikoloi tsa Puso

LETLHAKANE: E rile bosheng mokgweetsi wa dikoloi tsa puso kwa sekoleng se segolwane sa Motsumi mo Boteti, Oscar Marumo (38), a itshupa e le lantlha fa pele ga ga Mmakaseterata Keneilwe Koobake wa lekgotla la Letlhakane go arabela molato o le mongwe wa go tshosetsa go bolaya modiri ka ene, se sele kgatlhanong le temana ya bo 220 e balelwa le e potlana ya bongwe, 220 sub(1), ya melao ya Botswana.

Lekgotla le boleletswe fa mmelaelwa o ikgogetse megogoduma kgwedi e e fetileng e tlhola masome a mabedi le bongwe mme mosekisiwa a ne a tshosetsa go bolaya mme Kutlwano Madande, yo e leng modiri ka ene, ka go bua mafoko a a reng, ‘’Tsatsi leno ke tsile go go bolaya ke bo ke ipolaya’’.

Motsamaisatsheko e leng Sejane Ogone Motsholathebe wa sepodisi sa Botswana go tswa kampeng ya Letlhakane, o boleletse lekgotla gore ditlhotlhomiso tsa kgang eo di santse di le disha mme a kopa gore mmelaelwa a namo a tshegeditswe mo kgolegelong go fitlha ditlhotlhomiso di wela.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up