Ga se go beeletsa

Go lebega fa lenaneo la go rudisa itsholelo, le ka Sekgoa ba reng ke Economic Stimulus Programme, le setse le na le motlhala. Lefelo lengwe le go utlwalang motlhala o, o ka bonwa teng, ke motse wa Manxotai kwa Tutume. Go lebega fa motse o, o ntse o se na diofisi tsa kgotla mme jaanong, selelo se, se tlaa fela. Ke eo, e bolelwa e gorogile koo ESP, e bile e simolotse go aga.

Go begwa fa, ka lenaneo le, go agiwa diofisi tsa kgotla, e bile tiro e simolotse kgwedi e e fetileng mme e solofetswe go fela ka kgwedi ya Ngwanatsele, ngwaga ono. Go tswelelwa go twe, le fa tiro e, e filwe monana go e dira, go solofelwa e tlaa tsamaya sentle. Godimo ga moo, ga twe e na le batlhatlhobi ba gangwe le gape ba tsenyang leitlho go bona gore a dilo di tsamaya sentle, selo se go bolelwang kgosi a se ratile thata.

Ka bana e a re ba dira ba nne ba engwe nokeng ka lefoko, kgotsa ka tsela nngwe ba tiisiwe moko, ga twe kgosi o ne a rotloetsa ba ba agang go tlhagafalela tiro gore ba tle ba fetse ka nako e e solofetsweng. Kana fa ba ka repisa, tiro e tlaa nna bonya, mme ba se ke ba fetse ka nako. Gongwe e re ba bona nako e ba siile, ba leke go dira ka bofefo, mme ba felele ba dira tiro e e sa welang sentle. E re go bona e ntse jalo, e sa fela sentle, gongwe batho bangwe ba tloge ba nyatse thata, ba bone fa madi a ile le naga. Go tila dilo tsa go nna jaana, ke gore, ba ba dirang ba tlhagafale, ba tsenye marapo, e seng moko, dinameng.

Editor's Comment
Bulela Ditswe entry fee could hamper broke talent

The fees have been doubled from the previous amounts and raise concerns about political participation accessibility and democratic representation principles.This significant fee increase prompts questions regarding its impact on grassroots democracy.On one hand, the fees act as a filter, ensuring only serious contenders enter the race, potentially reducing frivolous candidacies and generating crucial campaign funds. The BDP argues that aspiring...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up