Go arabelwa molato

Ga twe e rile go bona kgetse e ngotlegile, e sa kgone go dira ditiro tsotlhe tsa go tlhatlosa matshelo a Batswana, puso ya tlola mawatle, go ya go tlhola gore, a disigo tse di moseja ga mawatle tsone, ga di na sepe. Sengwe sa fitlhelwa mme ga tlopolwa go tla go tsweledisa ditiro dingwe mono gae.

Fa madi a a goroga, ga tlhongwa lenaneo le ka Sekgoa le neng la bidiwa Economic Stimulus Programme. Ka Setswana ba le bitsa lenaneo la go rudisa itsholelo. Go bolelwa fa ka lenaneo le, go tlaa dirwa ditiro tse e rileng go bonwa kgetsi e le kwa tlase, tsa emisiwa.

Ga twe madi a, a tlaa abiwa ka dikgaolo tsa Botswana go dira ditiro tse di farologanyeng. Ba re, mangwe a tlaa aga matlo a badirela puso, mangwe a age dikokelo, a mangwe a age dikole; go nne go ye koo fela.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up