Re amogela ka tsoo pedi

Tiro nngwe e e tlaa dirwang ngwaga ono, e bile go lebega e tlaa ratega thata, ke ya boipuso jwa fatshe leno jwa dingwaga tse di masome matlhano. Tiro e, e setse e simolotse go baakanyediwa ka ditsela tse dintsi. Kwa pele ga dilo tsotlhe tse di dirwang, go molelo wa kgolagano.

Go bolelwa fa molelo o, o ntse o tsweletse o etela metse ka go farologana. E a re gompieno o utlwalelwe fa, ka moso o utlwalelwe kwa, ka le lengwe letsatsi o utlwalelwe golo gongwe gape. Go utlwala gore, e rile bosheng, wa ralala metse ya kgaolo ya Shoshong, e mengwe ya yone e leng Otse, Kalamare, Mmutlane le Bonwapitse, mme  wa gorosiwa ke mopalamente wa nako eno wa kgaolo eo.

Ga twe e rile a o amogela, mopalamente a bolela fa molelo o supa gore, Botswanao tswa kae, o ya kae. Re tsaya gore, ka mafoko a, mopalamente o ne a raya gore, go tswa nako e go neng go tsewa boipuso, go tsena gompieno, go na le dingwe tse Botswana a di dirileng a di kgona, mme gape, go sa ntse go na le tse dingwe tse di ka dirwang go fetela pele.  A kopa morafe wa kgaolo gore ba itebe, ba ipotse gore, ke eng se bone ba ka se dirang go isa Botswana pele.  Pego e bolela fa kwa Shoshong molelo o ne wa amogelwa ke kgosi ya motse Kgosi Kgamane. Ka mogolo ga a ke a tlhoka gore e re a na le morafe a bue sengwe, a tla ka la gagwe kgosi. Ga twe o ne a re, go tswa kgakala lefatshe leno le gogwa ke dikgosi tse di neng di tlhokomela morafe di bile di tsisa kagiso. A tswelela a re, o itumelela gore, puso ya gompieno e ntse e tshegeditse ngwao ya bogosi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up