Ga di nkame

Go ne go tlhotse go le mherehere kwa boemolong jwa dipalamo jwa Francistown, go se bese e tswang e sa tlala, ya ba ya tshologa. Di ne di sale di tsoga di ela moso otlhe, batho le bone ba goroga ba se kana ka sepe. Nnyaa, e le se mphete ke go fete.

Fa dibese di ntse di tlhatlologana, kgantele ga tswa nngwe e bidiwa Mosepedi Bus Line e leba Gaborone. E ne e sa tlala e penologa, e bile e ka se ka ya tlhola e ema gope gape, go pega. Ka letsatsi le ne le setse le hulere, mokgweetsi a leka go tsholetsa dinao, go fefosa mosepele. Fa le tsenya nko, ke e fapaanya Seruli. Ya tswelela ya tlhatlologanya mafelo, dikgang mo go yone e le ka ba go iwang kwa go bone. Bana, batsadi, ditsala le botlhe ba go neng go sale go kgaoganywe le bone. Go ise go e kae, ke e le mo Dinokwe. Batho ba bona gore, le fa ba tlaa goroga bosigo, gone mme go tlaa bo go se maswe.

Fa e fologelela mo Serorome Bus Line, jaaka ba ne ba e bitsa, kgang ya nna e sele.  Fa mokgweetsi a re matlho leba, a kopana le e e ‘naka di motshopho e tswa ka fa lebogong le le jang.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up