Mmamphorwana maatlhamela babolai

No Image

Baithuti ba basetsana ba lefatshe la Botswana ba tshwana fela le mamphorwana maatlhamela babolai. Ga ba a sireletsega gotlhelele ka e a re fela ba bona banna, bogolo jang ba ba tumileng ka maemo a bone mo setshabeng jaaka mapalamente, makhanselara, bagolo ba dikompone, masole, mapodise le boradikhombi ba gololesege ka ba itse ba e le batsadi ba bone. Go ntsha monyenyo wa go itumelela batsadi ga basetsanyana go supa sentle gore ke mmaba mo go bone, ka jaanong bagolo ba raga mabati a dikole go tsenelela baithuti mo matlong a borutelo go ba dirisa mo thobalanong. Mmegadikgang wa Naledi TEICHLER RANKOA, a re ka ntlha ya bokoa jwa melao e e sireletsang moithuti (ngwana wa mosetsana)mokgwa o o maswe o tsweletse ka go babalela bana jaaka molelo o oja naga mariga. Dikoloi ka mefuta le dikhombi di bonwa letsatsi le letsatsi di folosa di pega baithuti ba basetsana.

Ngwana wa sekole o kile a bo a tsewa fela jaaka naledi e e tla a reng mo dingwageng tse di tlang e bonese lefatshe, kitso e e le gore o tla a tsaya dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo, a di fetse ka go falola ka maduo a a tsabakelang fela jaaka dinaledi. Banna ba ne ba itse sentle gore e tla a re morago ga dithuto tse, baithuti ba basetsanyana, e nne basadi ba ba godileng sentle ba sa kgorelediwa ke sepe.

Ka ntlha ya go itse se, le go tlotla ngwana wa mosetsana ga banna, bana ba basetsana ba ne ba gola ba phuthulogile, mo e neng e re ngwana a tlhoka sengwe, a seke a tshabe fela go ya kwa moagisanying, yo eleng rraagwe molekane wa gagwe go kopa mo go ene. O ne a feta a bolelela rraagwe semangmang fela gore ‘papa kgotsa mama gaayo, ke seo ke tsileng go kopa madi a go reka parafini, kgotsa letswai.’

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up