A banna ba dilalome ba sekisiwe � Khama

Khama
Khama

Banna bangwe ba ba rweleng maemo le maikarabelo mo setshabeng ba itirile dilalome ka ba tsweletse ka go sotlaka bana ba basetsana le go ba dirisa botlhaswa mo thobalanong, e ebile e sa sireletsegang ka bontsi jwa bone ba felela ba imile.

Dilalome tse gape ga di tlhabiwe ke ditlhong go tsenelela basetsanyana ba mo dikolong. Se jaanong se pateleditse tautona wa Botswana, Lt General Ian Khama, go bula molomo go kgala thata mokgwa o, le go kopa gore botlhe banna ba ba dirang jaana ba sekisiwe.

Morago ga gore mokhanselara a dirisane le mosetsanyana wa sekole mo go tsa thobalano, go lebega okare puso e goga dinao, bogolo jang phathi e e busang ya Domkraga (BDP) e mokhanselara yo eleng leloko la yone, Batswana ba ne ba ema ka dinao ka lentswe le lengwe go kgala mokgwa o wa go dirisa bana ba basetsana mo thobalanong.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up