Magotswana a supana ka menwana

SENEPE: EDWARD PEKENENE
SENEPE: EDWARD PEKENENE

LETLHAKANE: Mmelaelwa wa kgang ya bogotswana yo o tlwaelesegileng ka go tshosetsa go keteka babegadikgang kwa kgotleng ya ditsheko mo Boteti, Mandiwana Mokgalo (21), o ne a iphitlhela a setse a shebasheba morago ga gore tsala ya gagwe, Itebatseng Kgalemang Sone (21), a bolelele lekgotla gore ke nnete gore boobabedi ba thubile ntlo ba bo ba utswa dithoto tsa tlhwatlhwa ya P8 447.00.

Babelaelwa  ba ne ba le mo tshekong ya go thuba ntlo le go utswa bosheng  fa pele ga ga Mmakaseterata Keneilwe Koobake wa lekgotla la Letlhakane. Go bolelwa fa e rile ngogola ba thuba  ba  bo ba utswa dithoto tse di farologanyeng tse di akaretsang dibalamakgolo le diaparo, tse eleng  tsa ga  Christopher Mokgweng wa Phase 2 mo Letlhakane.

Mo tshekong e e neng e tsamaisiwa ke Sergeant Ogone Motsholathebe wa kampa ya Letlhakane, mosekisiwa wa ntlha, Mokgalo o ne a ganetsa gotlhelele a re  ba bopelwa  kgomo ya mmopa ka mabaka  a ba sa a tlhaloganyeng. Ka fa letlhakoreng le lengwe ba bosekise  ba ne ba ipapanne ka bosupi jo bo popota le go supa  dithoto tse ba reng ba ne ba di tsaya kwa bonnong jwa basekisiwa ka nako ya ditlhotlhomiso.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up