O disa poo ka go fitlha dinala

LETLHAKANE: Mmakaseterata wa Letlhakane, Queen Moanga, o atlholetse Leilamang Letlhoano wa dingwaga tse masome a matlhano le bobedi (52) kgolegelo ya ngwaga ka molato wa go itaya le go ntsha dikgobalo. Dingwaga tse pedi mo go tse tharo di seegetswe fa thoko.

Letlhoano o lebisitswe molato wa go itaya monna mongwe yo lekgotla le utlwaletseng fa a ne a belaelwa fa a ratana le nyatsi ya gagwe. Molato o Letlhoano a o lebisitsweng o kgatlhanong le temana ya bo 230 (1) ya melao ya Botswana.

Mosekisiwa o ne a emetswe ke mmueledi Liberty Nleya go tswa kwa babueleding ba Nleya Attorneys. Ka nako ya tsheko mmueledi wa mosekisiwa o ne a tlhokoditse loleme phetelela  ka mabaka a go kgaratlhela gore lekgotla le tlhoke Letlhoano molato le bo le mo golole. Mme mosekisi wa puso, Sejane Mpho Basebi wa sepodisi sa Orapa, a bo a ipapanne  ka  bosupi jo bo nonofileng kgatlhanong nae.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up