A sa utlweng wa batsadi o�

Batho ba ne ba hakgamala go bona letsatsi le tswa le ba le tlhatloga Radibatana a ise a bonale. Ka gale o ne a tsogela batho botlhe pele. Mosong ono ba se ka ba itse gore go rileng. Ka go tlhobaela, Mhati a ya kwa a robalang teng go ya go mo tlhola.

Fa a okomela, a fitlhela naga e ntse kgologolo. Ka bofefo, a boela ka kwa mahuri, kwa batho ba neng ba ntse teng fa tlase ga motlopi.

E ne e le tlwaelo kwa ga Mma Mmei gore, moso le moso, morago ga go fitlhola, go hudugelwe ka kwa mahuri gore e re letsatsi le tlhatloga, go tshabelwe mogote mo setlhareng se. E ne e a re letsatsi la selemo le gaketse, go se ke go nne le ope yo o batlang go tswa fa go sone, ka se ne se le moriti o monate thata.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up