TB e teng mo dikgolegelong -Lephata la Botsogo

E rile bosheng, Naledi ya gatisa dipego dile mmalwa tsa masaitsiweng a kgolegelo le dikakgelong tsa botshelo jwa kgolegelo. Mmegadikgang wa lokwalodikgang le, Leah Mataboge o tsweledisa pego e ka go batlisisa maikutlo a Lephata la Botsogo.

Lephata la Botsogo (MoH) le tsibogetse dikgang tsa kanamo ya bolwetse jwa TB le mogare wa HIV kwa dikgolegelong ka go bolela fa le dirile patlisiso ka bolwetse jwa TB, ka 2010. Ya re ka 2013, Lephata la Botsogo le la NACA a dira patlisiso ka mogare wa HIV mo Botswana, dikgolegelo le tsone di akareditswe. Dipatlisiso tse di dirilwe kwa dikgolegelong dile supa go ralala lefatshe la Botswana.

“Dipatlisiso tsa bolwetse ja TB di supile fa magolegwa ale 1430 mo tshobokong ya bale 1000,000 ba tlhatlhobetse bolwetse jo. Mogolwane wa kanamiso mafoko kwa lephateng le, Doreen Motshegwa a tlhalositse jalo mo polotsolotso ya mokwalo.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up