Ga se go tswa maoto

Gantsi fa mopalamente a ya go tshwara phuthego mo motseng mongwe, o a bo a ile go bolelela batho koo ka mananeo a puso e lekang go inola Batswana mo lehumeng ka one. A fete a bue ka mananeo ao ka go farologana ga one, le ka fa a ka thusang batho ka teng. E re kwa morago bangwe ba iteke lesego, ba kope go thusiwa, mme ba atlege.

Go ntse go ntse jalo, nako nngwe, mopalamente o ka etela motse mongwe , a ile koo go reetsa kgang nngwe e morafe o tlaa bong o na nayo.  Mopalamente o ka tsamaya mosepele  wa go nna jaana a romilwe ke puso, kana a kopilwe ke  morafe go ya koo.

 Go utlwala fa e rile ngwaga o o fetileng ka Lwetse, mothusa tona ya Lephata la Dikgaolo wa nako eno, a ne a tsamaya loeto lwa go nna jaana a ne a kopilwe ke morafe kwa Kudumatse go ya go thusa koo. Go bolelwa fa go ne go na le kompone nngwe kwa motseng oo, e e neng e gweba ka motlhaba mme e se na tetla ya go dira jalo. Ga twe, selo se, se ne sa se ka sa itumedisa batho. Ka ngwana o sa leleng o swela tharing, batho ba Kudumatse ba  ikuela mo pusong.  Ga twe morafe wa re o ne wa kwalela maphata mangwe a puso go itela mo go one. 

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up