Pharologanyo ke eng?

E tlaa re go betlela kgang ya rona tsela, re re, go na le banna ba le babedi, Mheti le Mhedi. Letsatsi lengwe, Mheti o bofa thoto, o a tswa, o a tsamaya. Kgang ya gagwe ke gore, bana ba wela mo isong, ga ba na se ba se jang. A re, ka motho o tshela ka mohuhutso wa phatla, o ya go leka go huhula gore a tle a itshedise, a bo a tshedise le bana.

A ya Mheti.  Ga nama go didimetse a sa bolele gore o tsamaile jang. Morago ga kgwedi tse pedi a ntse a ile, a kwalela kwa gae, a bolela fa a feletse a tloletse ka kwa Aforika Borwa mme a bona tiro mo komponeng nngwe e e dirang ditshipi (Steel Manufacturing Company). A bolela fa e le tiro e e monate thata, e bile e duela sentle. Kwa gae ba itumela, ba leboga, ba dumela fa ba tlaa tshela. Bana le bone a nna a ba gopola, a ba romelela madi.

Fa  go ntse go ya, batho ba se ka ba itse gore go rileng. Dikwalo tsele tse di neng di ntse di goroga kgwedi le kgwedi, kana morago ga kgwedi tse pedi, tsa kgala. Ga se ka ga tlhola go nna le epe poso e batsadi ba e amogelang. Le fa kwa gae ba ne ba ka kwala, o ne a sa fetole. Ba tlhobaela, ba simolola go akanya dilo tse dintsi ka ene.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up